Dikgang tsa Bonkoko – Maitemogêlô a Tlhaolele

Tenjiwe Tutu o arogana maitemogêlô a gagwe jaaka modiri wa gae ka dingwaga tsa tlhaolele, go efoga sepodisi le go falola go ya kgolegelong ka lesoba la mogodu.

Go Tshabela Sepodisi

©Eric Miller

Ke ne ke direla mosadi wa kwa Plumstead mme morago morwadiagwe, Mohumagadi Truter, kwa Kloof Street mo Cape Town. Mohumagadi Truter o ne a mpolelela gore fa mongwe a kokota kwa monyako, ke tshwanetse go leba ka phatlhana ya lebati mme, fa e le lepodisi, ke seke ka araba. Gongwe baagisani ba boleletse sepodisi gore gona le modiri yo o senang pasa, ka gonne ba ne ba tla go kokota makgetlhô a le makgolokgolo.

Fela ga ke a bula monyako. Ne ba ka se ntshware, ka gonne ke ne ke na le phatlhana ya galase ya mo lebating. Fa ke ne ke leba ka matlhabaphefo le go bona sejanaga se se golo kwa ntle, ke ne ka metlha ke ipotsa gore e ka tswa e le mang le gore a naa ba mpeile leitlho. Fa nkabe ke ne ke kgona go tswa mo ntlong, nkabe ke tswile makgetlhô a le mantsi le go dira ditsala di le mmalwa.

Fela ke ne ke tshwaregile ka mo gare, ka jalo ke ne ke jewa ke bodutu. Ke ne ke sa itumela. Ka nako e le nngwe go ne go siame, ka gonne ke ne ke dira mme ke bonela bana ba me sengwe. Tiro eo e ne e le ya go robala-teng. Go robala-teng go ne go siame. Go robala-teng go ne gape go sa siama, ka gonne go ne le tekeletso. Labone e ne e le letsatsi la rona la boikhutso mme seo se ne se le tekeletso le sona. Go ne go kgonagala gore o se fitlhe kwa tirong mo letsatsing le le lateng.

Go Iphitlha kwa Hostele

©Eric Miller

Tsatsi lengwe sepodisi se ratile go re tshwara, re ne re le barataro kgotsa supa. Fa re tswa ka seteišane sa setimela sa Gugulethu, go ne go na le sejanaga sa sepodisi fa pele ga rona. Lepodisi le ne la bua gotswa ka letlhabaphefo, ‘Emang foo le ntshe dipasa tsa lona’. Ke ne ke le kwa pele ga setlhopha. Lepodisi le ne la simolola go fologa kwa letlhakoreng le lengwe la sejanaga. Fa a dira jalo ke ne ka nagana, ‘Nyaa, goreng ke tshwanetse go boela kwa mosimeng ole gape?

Nka se ba letle gore ba ntshware.’ Ke ne ka tsamaela go ya kwa sejanageng jaaka okare ke ya go tsena ka setswalo sa kwa morago se se bulegileng, mme batho bangwe ba ba gaufi ba ne ba ntshega ka gonne ba ne ba akanya gore ke tlile go pagama ka bonna go ya kgolegelong. Fela, fa ke le gaufi le sejanaga, ke ne ka taboga jaaka legadima.

Ba bangwe ba ne ba ntshala morago, ba tshaba le bona. Ga ke itse gore ba ile kae, fela ke ne ka tabogela kwa sekhutlhwaneng go ya kwa hosteleng ya banna ya konkereite, mme ba ne ba ntetla gore ke tsene. Ba na le malao a a kwa tlase a konkereite, ka phatlha ka fa tlase ga dibôrôtô e banna ba bayang diaparo mo yona.

Ka bonako ba ne ba mphitlha mo nngweng ya diphatlha tseo mme mongwe a dula mo mpetong. Mapodisi a ne a fitlha. Ba phela ba utlwala ba šakgetse mme ga ba bue sentle le batho. Ba ne ba goa ‘Re bontsheng gore o kwa kae.’ Banna ba ne bare, ‘Ga gona ope fa. Ga ise re bone ope.’ Mme sepodisi se ne sa simolola go lebaleba. Ke ne ke utlwa modumo o dibutshe tsa bona o di dirang fa fatshe, ka jalo ke ne ke itse gore ke ba le mmalwa ba bona. Fela ga ba mpona, ka gonne ga baa gopola go leba ka fa tlase ga dibôrôtô.

Translated by Nchema Rapoo