Dikgakologêlô tsa Bongwaneng tsa Grandmothers Against Poverty and Aids

Maloko a Grandmothers Against Poverty and Aids (GAPA) a arogana dikgakologêlô tsa bona tsa metshameko ya bongwana le go ya sekolong lantlha.

Beauty Skefile

Nngwe ya dilo tsa ntlha tse ke di gakologelwang ke go tshameka metshameko ya bana, jaaka kgati le leseka, mo mebileng ya Retreat mo Cape Town. Re ne re le bana ba bantsho, basweu le bammala, rotlhe re tshameka mmogo. Ke ne ebile ke sa itse gore ke montsho ka nako eo.

Ke ne ke tsena sekolo sa Afrikaans mme ke tlhaloganya loleme ka gonne ke ne ke golela mo gare ga batho ba Afrikaans. Morago, seno se ne se tla fetoga. Mo malatsing ao, sesupo sa gore o setse o siametse sekolo e ne e le fa o kgona go baya letsogo mo godimo ga tlhogo le go tshwara tsebe ya letlhakore le lengwe.

Ka jalo, ga ke itse gore ke ne ke le dingwaga di le kae fa ke simolola sekolo fela ke ne ke setse ke godile, ke feta bana ba ba simololang sekolo mo malatsing a. Dilo di ne di le botoka ka nako eo. Bana ba gompieno ba botlhale thata. O ka se dire sepe mme ba tlile go go botsa gore ke goreng o dira sengwe.

Mo malatsing a maloba, fa o ne o ka botsa dipotso tsa mofuta oo batsadi ba gago ba ne ba tlila go go itaya ba re, ‘Goreng o botsa dipotso tse?’ mme seo e nne bokhutlo ba kgang. Malatsi ano, bana ba bua thata, ba ngangisana le wena ka nako tsotlhe ba akanya gore ba na le dikarabo.

Tenjiwe Tutu

©Eric Miller

Jaaka bana, re ne re kgotsofalela se re nang le sona, ka gonne re ne re sa itse sengwe sepe. E ne e le kgaolo e ntle. Go ne go na le tlhaga go dikologa ntlo ya rona mme sekgala se se ka nnang kilometre gotswa fa gae go ne go le dithaba tse di apesitsweng ke ditlhare tse kima.

Ke boetse teng dingwaga di le mmalwa tse di fetileng fa ke ne ke na le 53 kgotsa 54 mme ke ne ke sa kgone go namelela dithaba tseo go ya kgakala, fela jaaka mosetsanyana ke ne ke kgona go dinamela ka bonako ntle le matsapa, jaaka potsane, tlok tlok tlok.

Nna le ditsala tsa me re ne re a tle re dire dimpopo ka dithu tsa mmopo tse di omeletseng morago ga gore mooko o silwe. Re ne gape re agela dimpopo tsa rona matlo ka dithobane, re di bofelela ka tlhaga gore di emelele mme re kgetlha malomo a ma ntle gotswa kwa sekgweng go a baya mo gare ga dithobane.

Goldie Qayiya

©Eric Miller

Mo bongwaneng jwa me, re ne re namela thaba go ka itumedisa. Gantsi re ne re le bontsi jo bo ka nnang 15: rre wa me, mmê, kgaitsediagwe le bana botlhe. Re ne re tshotse dikgamelo tsa setampa le dinawa go ka ja kwa godimo ga thaba, re tshela mafura a a apayang a gotweng ke Holsum mo godimo ga dijo.

Re ne re na le dikolobe tse dintsi kwa gae mme fa re ka tswa re tlhabile e nngwe pelenyana ga fao, re ne re namela thata ka nama ya teng.

Morago ga go namelela sebaka sa ura le halofo re ne re le kwa godimo ga thata mme re kgona go bona motseletsele o o sephara wa dithaba tse di dikaganyeditseng mafelo-bonno otlhe go dikologa St Mark, noka e elelang go kgabaganya lefatshe le leng fa tlase ga rona mme nako dingwe, kwa kgakala, re ne re bona le diphologolo tsa naga. Fale le fale re ne re bona phala, fela gantsi e ne e le diphokojwe.

Felicia Mfamana

©Eric Miller

Ke ne ke nka nna dingwaga di le 11 mme, jaaka tlwaelo, ditsala tsa me Nombeko, Jongikhaya le Nomvulazana ba ne ba tlile go tshameka. Dimpopo tsa rona di ne di dirilwe gotswa mo dithung tsa mmopo tse di omisitsweng, o batsaid ba rona ba neng ba o jadile mo masimong.

Metshameko ya bongwana e ke e tshamikileng fa ke ne ke le monnye e ne e siame yotlhe, fela fa ntse ke gola ke ne ka lemoga gore ga ke batle go nyalwa le eseng. Ke ne ke rata dithuto mme ka sweetsa gore ke tla nna morutabana. Ke tla nna le tiro e ntle ya go thusa bana, mme ke tla kgona go thusa batsadi ba me. ‘O tshwanetse go nna le thuto’, rre o ne a phela a mpolelela. ‘Tsamaya o ye go ithuta go kwala sentle le go bua sentle.

Ke batla lona bana le nne le botshelo jo bo bonolo gona le jo ke bo tshetseng, ka jalo ithute sengwe le sengwe se o ka se kgonang.’ O ne a bua gotswa mo maitemogelong. Jaaka lekau, o ne a dira ka fa tlase ga lefatshe jaaka rramoepo; morago o ne a dirile ka thata mo masimong a gagwe le go disa dikgomo. E ne e le botshelo jo bo siameng, fela jo bo thata.

O ne a batla gore dile di nne ka tsela e nngwe go rona. Fela dikeletso tsa gagwe di ne di sa lekana. Fa ke ne ke le mo mophatong wa botlhano, mmê o ne a tlhokafala. Re ne re sa tshwarwe ke tlala kwa gae. Ka metlha go ne go na le merogo e e lekaneng gotswa masimong a rona mme re ne re na le maši gotswa dikgomong tsa rona. Fela morago ga loso lwa ga mmê go ne go sena madi a a lekaneng a diaparo tsa sekolo, ditlhako tsa sekolo le dibuka.

Ke ne ke tshwenyegile thata, fela jaaka rre wa me, fela go ne go se sepe se re ka se dirang. Ke ne ka tshwanela ke go emisa ka sekolo.

Translated by Nchema Rapoo