Dikereite tsa Tsadiso

©Glenneis Kriel
Dikereite tsa tsadiso ke nngwe ya dipeeletso tse di gaisang tse molemirui wa dikolobe a ka di dirang. Dinamagadi di fudusetswa kwa dikereiteng tseno beke pele ga go tsala, mme di tsholwe mo go tsona go fitlha dikolojane tsa yona di kgweswa fa di le malatsi ale 21 goya go 28. Motsamao wa dinamagadi o a kganetswa gore o nne mo karolong ele nngwe ya kereite, fa dikolojane di kgona go tsamaya ka kgololosegô goya le gotswa kwa dinamagading ka mo gare le kwa ntle ga kgaolo ya ntlwana.
Goya ka Welfare Code of the South African Pork Producers Organisation (SAPPO), dinamagadi ga di a tshwanela go ka iswa kwa dikereiteng malatsi a a fetang supa pele ga letlha la tsona la pelegô le le solofetsweng, mme ga di a tshwanela go tsholwa teng go feta sebaka sa dibeke di le thataro morago ga go tsala.

Dipoelô

©Glenneis Kriel
Balwela-ditshwanelô tsa diphologolo ba ka nganga gore seno ke mokgwa-tiriso o o setlhogo, fela nnete ke gore dikereite tsa tsadiso di thusa go tokafatsa loagô lwa diphologolo ka go netefatsa fa go na le dithemphoritšhara tse di siametseng dikolojane le dinamane, le go thibela dinamagadi go gataka kgotsa go pitikologela mo godimo ga bana ba tsona.
Ntle le sona, e sireletsa dikolojane tse di nnye kgatlhanong le malwetse le metlhampepe, ka ge dihôkô tsa tsadiso di phepafatswa le go tlhwekiswa pele dinamagadi di tsenngwa mo tsona. Mo dithulaganyong ka bontsi. dinamagadi gape fise a tlhapiswa le go ntshwa diboko pele di tsenngwa mo dikereiteng tseno.
Mo godimo ga fao, dikereite di letla balemirui go thusa dinamagadi botoka ka motsi wa pelegô, le go di baya leitlho mo sefeping, tsêô ya metsi le boitekanelo kwa dinamagadi le dikolojane. Seno se botlhokwa thata, ka ge go fitlha go 65% ya dintshu tsa dikolojane tsotlhe e diragala mo bekeng ya ntlha morago ga tsalô.

Makoa

©Glenneis Kriel
Goya ka website ya Farming Truth, tse di siameng di “fekeetsa tse di bosula” ka dikereite tsa tsadiso ese mokgwa-tiriso wa temôthuo o o tlwaelegileng fela mo Afrika Borwa, mme gape le kwa United Kingdom, Europe le United States. Bokoa jo bo golo ke tlhwatlhwa, ka ge dikereite di le tlhwatlhwa-godimo go ka simolola kgwebo ka tsona, mme di tlile go oketsa ditlhwatlhwa tsa phepafatso le tsa motlakase. Fela loago lwa diphologolo lo lo tokafetseng, dintshu di le mmalwa le kgolô e e botoka, di ntlafatsa seno fa nako e ntse e tsamaya.
Makoa a mangwe ke gore di ka baka dikgobalo le mathata a phôlô, a a jaaka diso tsa lonao le go tswafa tota, fa di sa bopwa kgotsa go phepafatswa ka tshwanelô. Goya ka Welfare Code, dihôkô di tshwanetse go letla motsamao le maitshwaro a tlhagô a dikolobe. Dinamagadi, ka jalo, di tshwanetse go kgona go patlama le go emelela ntle le dikganelo mo maotong a tsona. Mokwatla wa namagadi ga wa tshwanela go kgoma ditshipi tsa kwa godimo tsa kereite, mme matlhakore a gagwe ga a tshwanela go kgoma matlhakore ka bobedi a kereite ka nako ele nngwe.

Kwa Ntle

©Glenneis Kriel
Dikereite tsa tsadiso ga go pateletshege gore di beiwe ka mo ntlwaneng. Kwa Amerika go na le balemirui ba free-range ba ba dirisang ka katlego dikereite tse di phuthegang mo mafulong ka dikgwedi tse di thuthafetseng tsa ngwaga. Ba dikolosa dikereite mo mafulong go thibela go agega ga malwetse kgotsa metlhampepe mo dikarolong tse di rileng.
Balemirui ba mo Afrika Borwa ba tshwanetse go leka seno fela mo dikgaolong tse mo go tsona dithemphoritšhara tsa bosigo di leng bothitho jo bo lekaneng go amogela dikolojane, tse di itumelang mo go 27 goya go 32 degrees Celsius. Mofuta onô wa tlhagiso o ka se dire mo dithemphoritšhareng tse di rurufetseng tse di tlhokwang ke dinamagadi, tse tsêô ya tsona ya sefepi le tlhagiso-mašwi di angwang bosula ke dithemphoritšhara tse di kwa godimo ga 21 degrees Celsius.
Mo dithulaganyong tsa ka mo ntlwaneng, kgwetlho enô e fenngwa ka go tlamela thuthafatso le bodilo jo bo bothitho mo karolong ya thuthafatso, fa karolo ya dinamagadi e na le bodilo jo bo rurufetseng.
Meakanyetso le dikagô tse di farologaneng di teng, botsa moitseanape wa itekanelo ya diphologolo go bona kgakololô mo kagông e e nna matshwanedi go gaisa mo ditlhokegông tsa gago tsa tlhagiso.

Translated by Nchema Rapoo