Dihoko tsa Mebutla

© Karoline Steenekamp

Didiriswa tsa Dihoko tsa Mebutla

Bontsi ba dihoko tsa mebutla e diriwa ka galvanised chicken wire ka gonne dihoko tsa terata di bonolo go phepafatswa, mme fela dihoko tse ditshwanetswe ke go bewa ka fa gare ga marulelo kgotsa kago (building). Lefatshe la tsone le tshwanetswe ke go nna 25 mm x 12,5 mm ka semeto, mme terata ya hoko yone e ka nna 25 mm x 25 mm kgotsa 25 mm x 50 mm.
Dihoko tsa legong (ee nang le marulelo) e ka bewa kwa ntle. Dihoko tsa legong di na le lefatshe le le botoka, fela e tla tlhoka oe tsenyetse marobalo (bedding), mme seo se tla go fa mmereke o montsi. Dihoko tsa Bamboo di dirisiwa ka bontsi, mme di kgona go fa mebutla tshireletso ee maleba kgatlhanong le maemo a bolepi le diphologolo tse di tla batlang go dija. Kwa borwa jwa America gantsi ba dirisa precast concrete e e nang le mabati a terata.

Selekano sa Dihoko tsa Mebutla

Ga o tsadisa mebutla go maleba go fa mmutla o mongwe le o mongwe hoko ya yone. Tse ditona di ka bewa mo dihokong tse dimmotlana mogo tse dinamagadi, ka gonne gantsi di nna dile nosi, kwa ntle ga gore ee namagadi e etisiwe kwa hokong ya yone gore di bone thobalano (mating) gore e tsale. Tsa basadi (does) di tlhoka hoko ee kgolo. Hoko e, e tshwanetswe ke go nna le sebaka se se ka nnang le lebokisi la sentlhagane (nest box) la bana ga gagwe mogo yone, mme a kgone go phela le bone mogo yone go fitlhela a ba kgwisa letsele. Hoko ya selekano sa 1 m x 0,5 m e ka siamela go nna hoko ya go amusa (breeding pen). (See Equipment).
Hoko ya go kgwisa (weaning pen) e ka tshola bana ba ba senang go kgwisiwa mo go yone. O tla tlhoka di hoko tse pedi ka mme ale esi ka gonne o tla tshwanelwa ke go aroganya bana ka bong (sex) mme o tsenye basetsana mo hokong ya bone le basimane mogo ya bone. Mebutla ee setseng e tlhophilwe ka bong (sex) e ka phedisiwa ka setlhopha (colony) mme di godisiwe. Se ke hoko ee kgolo go feta, ka gonne e ka nna lelapa la namagadi ya palo e ka nna 10, ba ba golang mmogo, kgotsa tona ya palo eo ka lebaka leo.
Dihoko tsa di-colony di ka betliwa ka waere ya terata, legong, mme di ka agelwa mo godimo ga lefatshe la konkreite ka ditena kgotsa mapolanka. E tshwanetswe ke go nna kwa godimo nyana gore mebutla e seka ya kgone go tlolela kwwa ntle ga yone. Dikago tse di neng di rulela dipitse, tse di nang le lefatshe la konkreite di bereka bontle go agela dihoko tsa di-colony mogo tsone.

Translated by Ikalafeng Maedi