Didiriswa tsa Phepafatso tsa Barui ba Mebutla

©Judy Stuart
Phôlô le itekanelo tsa mebutla di ikaega ka phepô e e siameng le go e tshola ka bophepa jo bo gaisang ka dinako tsotlhe. Ka jalo go botlhokwa go nna le didiriswa tse di maleba go phepafatsa lefelo la mebutla, ka mo gare kgotsa kwa ntle, dihôkô le didiriswa tse di diriswang mo dihôkông.
Lefielo le le thata le garawe di botlhokwa mo go tsholeng lefelo la bodilo le le phepa. Bodilo jo bo phepa jo bo fietsweng bo diga maatla a go ka sekaseka lefelo a ditlhasedi di le pedi; magotlo le dinoga ka bobedi di bolaya mebutla mme di tlhoile mafelo a a fietsweng a sena matlakala.
Fa dihôkô tsa mebutla di beilwe mo bodilong jwa konkreite, ke kakanyo e ntle go tshela boalô jwa manyakgong ka fa tlase ga dihôkô. Seno se monyela moroto le tshologo ya metsi mme se kgoreletsa dintsi tse di mo lefelong.
Fa mebutla ele mo dihôkông tsa logong, go botlhokwa go nna le sefadi se o tlileng go fala boalô jo bo metsi le dikarolo tse di mmu ka sona. Mebutla e ka rutwa go dirisa “potties”. Tlatsa setshodi sa 45 x 30cm (jaaka tray ya dikatsana) ka manyakgong mme o se beye ka mo gare ga hôkô, mo lefelong le mmutla o le tlhophileng jaaka lefelo-boithusetso la ona. Mebutla yotlhe e dirisa lefelo le le nosi fela. Seno se dira gore go phepafatsa go nne bonolo thata ka ge tray e ka ntshwa, ya tshololwa, ya tlhatswa le go busetswa ka manyakgong a a foreshe.
Dihôkô tsa mathale di tlhoka phepafatso ka boratšhe jwa bothale gangwe le gape go ntsha furu, mosutele kgotsa boalô tse di thibileng diphatlha mo mabokosing a sentlhaga. Dikgamelo le kiribane di nolofatsa go rwala metsi goya kwa mafelong a a tlhokang go phepafatswa, le go ntsha matlakala le mosutele gotswa kwa mafelong, mme tsotlhe tseno di tshwanetse go iswa kwa thothobolong ya motshotelo ya kwa tshimong. Le boboa jo bo tlhotlhoregang mo mebutleng bo tshwanetse go phepafatswa le go iswa kwa thothobolong ya motshotelo.

Translated by Ikalafeng Maedi