Di-Persimmon

© Louise Brodie

Di-persimmon di tlhagiswa mo dikgaolong tse di mogote di le dipula goya go tsa dithemphoritšhara tse di mo magareng go ralala lefatshe, mme di itsagale ka maina ale mmalwa a a akaretsang Persimmon, Asian kgotsa Japanese Persimmon, Kaki Fruit le American Persimmon. Leungo leno le le welang fatshe fa le butswitse le rategile thata kwa Botlhaba jo bo Kgakala, kwa dielô tsa go jewa le tsa tlhagiso di bonalang teng. Le bone tumô kwa mebarakeng ya kwa Bophirima mo dingwagengsome di le mmalwa tse di fetileng, mme tlhagisetso-kgwebo ya leungo leno e simolotse mo Afrika Borwa ka dingwaga tsa bo-1990.

Translated by Nchema Rapoo

Tlhagiso ya Persimmon

Leungo la persimmon gantsi le jewa le le foreshe, fela gona le madirelo-phetolo a magolo a persimmon, a a tlhagisang persimmon e e omisitswe...more

Mefuta ya Persimmon

Di-persimmon ke maungo a a jegang a ditlhare tsa tshika ya Diospyros mo lolapeng lwa Ebenaceae....more