Damara Tern

© Shem Compion

Leina

Damara Tern

Leina La Se-Latin

Sterna balaenarum

Lelapa

Rynchopidae

Boleele

23cm

Tulo

Go ditlhotshwana mo lobopong lwa Atlantic, di ja kwa ntle ga lobopo le kwa dintshing.

Modumo

Lentswe ke je le tswidinyang 'tsit-tit' ka go boeletsa makgetho. Gape le 'tit-tit'.

Tsadiso

Tsadiso e kwa lobopong lwa Namibia le kwa gaufi le Table Bay mo go sa tswang go bonwa, go feta Rocky Point go ya go fitlha kwa Cunene. E aga mo dithoteng le mo magarapeng, bokgakala bo ka nna 1-5kms go tswa lewatleng. Lee ke le lengwe kgotsa a mabedi, a jaaka a tern.

Thanololo Ya Dithuthugi

Dithuthugi dina le matshwao a a borokwa mo mafofeng a maphuka.

Thanololo Ya Tse Kgolo

Bonnye jwa mmele le kepisi e ntsho ke sesupo sa ya tona e e tsadisanang; ka nako dingwe e farologana le Tern E Nnye ka molongwana o o motôpô o o kareng o kobegetse kwa tlase, le mokokotlo o o bosetlha jo bo tswapogileng, mmele o bopegile bokima o le mokhutshwane; fa o e lebile ka bokgakala okare e tshweu. Tse di sa tsadiseng di na le seriba le korone tse tshweu.

Boemo

Ke nonyane e e sa tlwaelagang.

Kanamo

E fela kwa mabopong a Borwa Bophirima jwa Afrika le kwa Kapa. E fuduga mo mabopong a rona ka Phukwi.