Crabs
Makakauwe

© Shem Compion

Leina la Mophato

Makakauwe (Crabs)

Leina la Maranyane

Brachyura

Semeto

E ka nna botelele ba 5 mm go fitlha go 4 m.

Ponalo

Sekgapha sa mmele wa tsone se kgolokwe jwa lee ka dipara tsa maoto dile tlhano. Para ya ntlha e e kwa pele ke dinala (claws), mme difarologana mo go tsa tse dingwe ka semeto. Mpa ya tsone a khutswane mme o gonyeletse mo sefubeng sa tsone. Matlho a tlhagella mo thitong mme ga a gonyele. Mmala wa tsone o a farologana ka fa di ka bonwa ka mebala ya boshibidu, borokwa, bosweu, bontsho, beige, bosetlha le mmala wa legodimo. Difarologana le ka ditsubaba tse di tlhagellang mo mmeleng wa tsone.

Dikitsiso

Tlhamagano ya Brachyura infra ke setlhopha sa makakauwe a a senang le mogatla o o bonalang. Di wela ka fa tlase ga tlhamagano ya Pleocyemata (e e akaretsang crabs, lobsters, crayfish le tse dingwe). Bontsi ba tsone ga ditsamaya di ya ka matlhakore go ya kwa pele le kwa morago. Di iphitlha mo mesimeng le mo diphatlheng tsa mafika a lewatle. Mae a a nonofetseng a elamiwa ke tse di namagadi mme a nna a maparetse mo maotong a tsone a dia dirisetsang go thuma eleng di’pleopods (swimming legs) go fitlhelela nako e a tla thubang ka yone.

Dijo

E fepa ka algae, diboko, molluscs, fungi, bacteria le detritus.

Anamiso

E bonala kwa mafelong a dipula aa mogote mo lefatsheng mo metsing a a letswai a lewatle le mo metsing a a senang letswai.

Dibopiwa tsa Mophato wa Yone

Clown crab - Platypodiella spectabilis
Ghost crab - Ocypode ryderi
Pebble crab - Leucosia anatum