Coriander ka Kakaretso

© Louise Brodie

Coriander e tlholega kwa Botlhaba jo bo Gaufi, bopaki jwa ntlha jwa sejalo, kotulo le tiriso ka batho ya sona ke go feta dingwaga di le 6 000 tse di fetileng gotswa kwa Egypt goya kwa Turkey, Asia Bogare le Persia. Go lateleng se, tiriso ya coriander e anametse gape kwa India le China dingwaga di feta 3 000 tse di fetileng, mme morago ya ya kwa Borwa jwa Yuropa. Gompieno coriander e diriswa le go lengwa lefatshe ka bophara. 

Leina la Bonetetshi: Coriandrum Sativum
Leina la Setlwaedi: Coriander, Dhania kgotsa Cilantro

Tlhalosô ya Sejalo

Sejalo sa coriander ke sejalo sa ngwaga le ngwaga sa matlhare a a boleta se se golelang kwa boleeleng jo bo ka fitlhang go metara ole nosi fa se letlwa goya peong. Dithunya di tshweu kgotsa pinki e e timpentseng thata. Se tlhagisa leungo le le kgolokwe goya go la popegô-lee le le nang le peo ya coriander e e dirisetswang go tsenya tatsô mo dijong le mo ditirisong tsa kalafi. 

Ditiriso

Dikutu le matlhare tse di foreshe tsa coriander, ga mmogo le maungo a mannye le dipeo tse di omisitsweng, di diriswa mo dijong di le di ntsi jaaka ditsenya-tatsô. Maungo kgotsa dipeo di dirisetswa gape go gamolwa ga dioli tse di botlhokwa tsa tsona le dioli tse di mafura tse di diriswang mo mmarakeng wa melemô ya tlhagô le mo bodirelong jwa phetolô-dijo. Oli e diriswa jaaka kalafi mo twantsho-megareng mme gape e thusa mo tshidilong ya dijo, mme go begwa gape fa ele kalafi e e retibatsang. 

Ditlhokegô le Paakanyô tsa Mmu

Coriander e mela botoka mo mebung ya serokwa se se motlhaba e e tswang metsi sentle ka pH ya magareng ga 6.0 le 7.5. Mo mebung e e bokejana, go molemo go direla mela ya dijalo dimmotwana go thusa ka kelometsi gotswa mo meding. 

Pele paakanyô efe kgotsa efe ya mmu e ka dirwa, sampole ya leemedi la mmu e tshwanetse go ka tsewa le go romelwa kwa laboratory go dirwa tshekatsheko le ditshitshinyo tsa dikotla. Mebu e tshwanetse go petwapetwa go repisa mmu kwa boteng jwa 500 mm. Lime ya tshiamiso ya pH le mosutele kgotsa motshotelo di tshwanetse go ka tshelwa le go lemelelwa mo mmung o o fa bogodimong jwa 400 mm dibeke di ka nna nne goya go tlhano pele go ka jalwa. Mo malatsing a bofelo pele go jadiwa, tsenya dielemente tsa tatediso le monontsha wa pele ga jalô o o lekalekantsweng mo mmung, mme o êgelele ka êge ya papetlatsheko kgotsa rotavator mo mmung o o fa bogodimong jwa 20 cm. Seno se ntsha mefero mengwe le mengwe e e ka tswang e tlhogile. Fa mebotwana e dirwa e dirwa mo legatong leno mme mealô ya jalô e baakanyetswa jalô. 

Bosa

Coriander e gola ka gaisa mo boseng jo bo rurufetseng jo bo sa tsenelelang mme e diragatsa bontle mo dithemphoritšhareng tsa magareng ga 18°C le 27°C. 

Fa dithemphoritšhara di le kwa godimo thata, sejalo se tlile go tsena mo legatong la ntshô-peo ka bofefo pele se nna bogolo jo bo lekaneng go ka tlhagisa matlhare kgotsa dipeo tse di lekaneng, fa se tlogetswe go thunya le go gola ka botlalo. 

Dijadi

Go na le dijadi di le di ntsi tsa coriander, fela mefuta e megolo ele mmalwa ya coriander e e tlhagisetswang kgwebo ke, Caribe, Chinese, Leisure, Long Standing, Slow Bolt, Santos.

Fela go molemo go bona kgakololô ya motlhankedi wa selegae wa tsa temô le ya moitseanape wa dipeo ka ga sejadi se se gaisang mo kgaolong ya tlhagiso le mo mmarakeng o o totilweng. Mefuta mengwe e botoka go tlhagiso ya matlhare mme e mengwe e botoka mo tlhagisong ya peo le oli.

Translated by Nchema Rapoo