Chenel

Tlhaloso

Chenel ke terebe ya veine e e tatso ya tlhago e e tsweleditsweng mo Aforika Borwa ya tswaka tlhamiwa ke Mop Chris Orffer. Batsadi ba Chenel ke Chenin Blanc le Ugni Blanc (gape e bidiwang Trebbiano).

Tshimologo

Aforika Borwa

Maina a Mangwe

Chenel e itsege gape jaaka K1, fela Weldra ke mofuta wa semela o tlhamilweng mo Aforika Borwa o o tshwanang le Chenel ka peresente.

Tsweletso mo Aforika Borwa

Chenel e ne ya gololwa mo Aforika Borwa ka 1974. E batla e nna diheketara tse 33 tsa Chenel tse di jetsweng mo Aforika Borwa (2016) le seripa (14.5ha) e e jetsweng mo kgaolong ya Robertson.

Diterebe tsa bogolo golo go gaisa tse di sa ntseng di le teng di jetswe ka 1979 mo polaseng ya Laaiplaas mo kgaolong ya Robertson.

Dikgaolo tsa Tsweletso

Mogorogoro wa Robertson o tsweletsa thata Chenel. Mogorogoro wa Olifants le kwa Kapa Bokone di na le dijalo tsa 8ha nngwe le e nngwe. Fela 1ha e ne ya jalwa ka 2016.

Kgolo

E dira sentle ga go sugwa mmu go go tseneletseng jaaka go nosetsa thata le go sekegediwa ka go go kwa godimo le go tsweletsa palogare (16-20t/ha) go bonwa kuno e e kwa godimo ya23-27 ya diheketara.

Ka ntlha ya go fenya go bola ga yona, e ka jalwa mo mmung o o bongola jo kwa tlase mo dikgaolong tse di bollo.

Go Butswa

Morago ga nako ya selemo gare wa mofuta wa semela, Chenel e robiwa matsatsi a le 4 go ya go beke morago ga Chenin Blanc.

Matlhare

Matlhare a Chenel a bogareng, botala jo bo sa apogang mme e tlobogile fa e le potokwe le sebopego sa lerethepu ga raro.

Borekhu

Borekhu bo bogolo jwa bogareng bolee ka letlalo le le sesane fela le tiileng. Borekhu bo matute ka tatso e e maomegare.

Disenyi le Malwetse

Chenel ke borekhu ba go fenya go phanyega le maemo a loapi a metsi mme ka jalo e kgona go emelana le monyo o o boleta wa botlase fa diterebe tse dingwe di bola. Go bonala fa e le matla go botrytis le go go bola go go botlha.

Tiriso

Chenel e tsweletsa diveine tse tshweu tsa tlhago tse di nang le tekano e e siameng. Tatso ya yona ya tlhago le esete e e kwa godimo (6-8g/l) go dira Chenel veine e e siameng ya borenti kgotsa jaaka moemedi go tsamaelana le diveine tse dingwe go oketsa esete ya veine.

Tatso

Diveine tse di dirilweng go tswa diterebeng tsa Chenel di na le tatso e e boemegareng le boesete jo bo kwa godimo.Translated by Lawrence Ndou