Chardonnay

© Louise Brodie

Thanololô

Chardonnay ke mofuta o o tlwaelegileng wa sejalo sa terebe e tshweu o o tlhagiswang thata mo lefatsheng gompieno. Ke makgabaganyo magareng ga lelapa la Pinot le mofuta o o nyelelang o o bidiwang Gouais Blanc.

Tlhôlegô

France.

Maina A Mangwe

Melon blanc, Pinot blanc Chardonnay, Pinot ChardonnaykgotsaWeisser Clevner.

Ntshô-Tlhagiso mo Afrika Borwa

Le fa sejalo se ntse se le mo nageng nako e telele, ntshô-tlhagiso e ragogile tota fela morago ga gore seresemela se se tokafetseng se nne teng mo dingwageng tsa bo1970. Pele ga nako eo, mesego e ne e tshwanetse go dirwa go tswa mo merareng e e neng e tseneletswe thata ke mogare.

Ka ntlha ya go fediswa pelo ke bonya jo puso e neng e tlisa mo nageng le go rebola seresemela se se ša, setlhopha sa balemirui ba le lesome se ne sa sweetsa go itseela marapô. Mo magareng a 1973 le tshimologo ya dingwaga tsa bo1980, setlhopha seno se ne sa tlisa seresemela ka bokhukhuntshwane mo Afrika Borwa. Ka marukgwe a ka mo gare, dipotomêntê, diaparo tse di maswe tota le mo difofaneng tsa botlhe.

Ba ne ba kgobokanya seresemela sa Bofora kwa sekolong sa mofeine sa Geissenheim kwa Germany, kwa Danie De Wet, e leng moeteledipele wa bona, e neng e le moithuti teng. De Wet, o a lemang kwa Dewetshof kwa Robertson, e ne e le ene motho wa ntlha go sukunyetsa seresemela se se ša sa Chardonnay mo nageng ka 1973.

Dikgaolo tsa Ntshô-Tlhagiso

Chardonnay e tlhagisiwa mo dikgaolong tsotlhe tse di tlhagisang mofeine mo Afrika Borwa, fa Robertson, Paarl, Stellenbosch, Breedekloof le Swartland e le tsona di ipelang ka karolo e kgolo ya ntshô-tlhagiso.

Kgolô

Sejalo se gola ka bo magareng, ka ntsho e e ka fitlhang 5t/ha go ya go 9t/ha.

Go Butswa

Go sale gale, ka seripagare sa ntlha sa Tlhakole.

Meretlwa

Meretlwa e mennye, kgolokwe ka mmala wa botala jo bo tswapogileng go ya go serolwana. Letlapi le le sesane, le tiile mme ga le na mmala, fa leungokobolwa le le boleta le le matute.

Matlhare

Matlhare a bogolo jo bo mo magareng, a ditsebenyana, a makima ka matlhakore a a phatlheletseng.

Disinyi le Malwetse

Chardonnay e tshabelelwa go se kae ke bolwetse jwa phori le botrytis. Merara e itumela ka fa tlase ga maemo a bosa a a rurufetseng a mariga le a a fodileng a selemo. Go butswa ga yona go sale gale go thusa go fokotsa tshenyego ka ntlha ya maemo a bosa a a bolelo.

Tiriso

E dirisiwa jaaka mofuta-nosiwa mofeine wa logong kgotsa o o sa tsenyiweng ka mo logong, kgotsa go tlhagisa mengwe ya mefeine e e galakang ya seemo sa kwa godimo mo Afrika Borwa.

Tatsô

Mokgwa wa mefeine e e tlhagiswang ke sejalo seno o laolwa ke seemo sa bosa le ke mmu. Le fa sejalo se tlwaela bonolo mefuta e le mentsi ya mmu, tšhôkô, selôkô le letlapakalaka go begwa fa e le tsona tsi di siameng thata. Ditatsô di fapaana go tswa go ya leungo go ya go tropical, mere, vanilla, botoro le cinnamon. Mefeine e na le mmala wa gauta mme e utlwalega jaaka velvet mo leganong.Translated by Nchema Rapoo