Bushmen ba Richtersveld

Matshelo a Botsomi-Kokoanyi

©Shem Compion
Go thata go bua gore Bushmen (kgotsa San) ba bopegile jaaka setlhopha sa setso se se itlhophileng leng - bangwe ba re ke bogologolo jo bo ka nnang dingwaga di le 40 000 kgotsa 30 000 tse di fetileng, fa paka ya komelelô e e atologileng e ne e kgaoganya batho kwa karolong ya borwa-bophirima ya seka-kontinente gotswa mo merafeng ya tshimologo kwa bokone. Legale, Bushmen ba dirisitse le go ntšhwafatsa technology ya Paka ya Lejwe ya morago, e e neng e akaretsa magare, dikepi le dintlhana, bontsi jwa tseno bo ne bo gokelelwa mo matshwarong a logong go dira marumo kgotsa dithipa.
Bushmen gape ba tlhamile popego-tshelo e e neng e ikaegile ka matshelo a setso a botsomi-kokoanyi. Jaaka molao, e ne ele banna ba ba tsomang, fa basadi ba kokoanya digwere, meretlwa le dimela tse dingwe. Boitseanape jwa bona ka ga tlhagô bo bone ditlhotswana tseno tsa malapa di tsamaya go ralala lefatshe ka tshedisano le diphologolo tsa naga le ditlha.

Petroglyphs

Fa go tliwa mo go tsa sedumedi, Bushmen ba ne ba itumelela kgopolo e e matswakabele e e neng e kopanya lefatshe la tlhagô le tsa semowa. Seno se senolwa ke mepento ya bona ya mo majweng, e gantsi e bontshang metanso ya shamanism. Kwa Richtersveld, fela, ga go mepento ya mo dikgageng e e supilweng.

Mo boemong jwa seo, re fitlhela petroglyphs - mengapô e e dirilweng ka go sega boalô jwa majwe ka sekwadi se se motsu kgotsa hamole ya letlapa. Petroglyphs tseno tse di thata go tlhaloganyega fela di le dintle, di bontsha dilo tse di farologaneng, gotswa go diphethene tsa geometry goya go ditshwantshiso tse di tlhaloganyegang tsa diphologolo, jaaka pitse ya naga le phofu. Dipatlisiso ka ga petroglyphs tseno di santse di le mo bošweng mme, ka maswabi, bontsi jwa mafelo bo sentswe ke moepo le/kgotsa baeti ba ba botlhaswa. Matseno kwa bontsing jwa mafelo ano ga jaana a kganeditswe go thibela tshenyô goya pele.
Palo ya Bushmen ba ba tshetseng kwa Namaqualand le Richtersveld e ne e ka nna kwa tlase thata. Fano e ne ele, kwa ntle ga tsotlhe, lefatshe la lenyora, ka fela metswedi ya metsi e e ikanyegang ele mmalwa. Fela lobopo e ne ele leano le le botoka thata, mme go na le palo e e rileng ya mafelo a archaeology go supa kamanô e kgolo magareng ga Bushmen le ditswa-lewatleng tse di jaaka manyibi le shellfish. Ditšhaba tseno tsa kwa lobopong di biditswe ‘strandlopers’ (batsamaya-lobopo) mme bopaki jwa bodudi jwa bona bo fitlhelwa kwa mafelong a a farologaneng go ikala mabopo a Namaqualand le, ka nnete, bogolo jwa borwa kwa Afrika.

Translated by Nchema Rapoo