Brown House Snake

© Tyrone Ping

Leina

Brown House Snake [Boaedon capensis]

Distatistiki tse Dibotlhokwa

Mophato: Reptilia
Tlhamagano: Squamata
Lelapa: Colubridae
Mophato wa Dibopiwa: Noga ya African House Snakes e akaretsa mephato e le 7 ya mefuta ya tsone mo continenteng ya Afrika.
Botelele (Namagadi): 783 mm
Botelele (Tona): 656 mm

Ponalo

Ke noga e kgolo ya tlhogo e e bonagalang le makwapa a mannye mo mmele. Mmala wa yone o boshibidu jo bo ntlhwa. Tsa bagolo tse ditona ka selekano di mmala o lefitshwana bo tatlile bo nna bontsho. Go na le methalo e mebedi ya mmala wa bosetlha jwa mmala wa lephutshe kwa matlhakoreng a tlhogo ya yone.

Phatlhalatso

Noga ya Brown House e bonala gotlhelele mo borwa ba Afrika. Tse dingwe tsa mophato wa sebopiwa se di lebelelwa e le dibopiwa tse di ikemelelang di le esi ka mephato ya tsone (classified as separate species) mo continenteng yotlhe.

Tsalo

E ka beela mae a ka nna 16 ka nako ya selemo, mme a ka tsaya malatsi a le 60 - 90 go gola. Bana ba meta selekano sa 190 - 260 mm ga mae a thubega.