Bophêpa mo Bolemiruing jwa Tsa Mašwi

©Chris Daly
Phaposi e go bolokelwang mašwi mo go yona e tshwanetse go nna phepa ka dinako tsotlhe, mme e tshwanetse go nna mo lefelong le le phepa, kgakala le metswedi e e itsagaleng e e kgotlhelang le go katogana le mafelo a a tlhatswetsang.
Go tshola ka bophepa lefelo le go gamelwang mo go lona, bodulo jwa dikgomo, dithele le tikologo go ka thusa go netefatsa fa mašwi a le phepa le go thibela kanamo ya malwetse.
Bodulo jwa dikgomo tsa gago bo tshwanetse go phela bo le phepa, ka boalô jo bo phepa (lotlhaka kgotsa manyakgong), megopo ya metsi le ya sefepi e e phepa, le sefepi se se phepa. Go botlhokwa gape gore bodulo jwa dikgomo tsa gago bo nne le pulelomowa e e siameng. Go botlhokwa go kganela ditshenekegi, dipeba le dinonyane mo lefelong le go gamelwang mo go lona, mme go se letlelelwe diphologotswana tsa mo gae kgotsa dikgogo go tsena mo bobolokelong jwa mašwi le mo mafelong a go gamelwang mo go ona kgotsa a a dulwang ke dikgomo.
Phaposi ya go gamela e tshwanetse go nna le bodilo jwa semente, jo bo tshwanetseng ke go tlhatswa kgotsa go tshelwa ka metsi pele go gamiwa le ka motsi wa go gama. Lemoga gore maêmô a a bothitho le a a metsi a tlhagisa bacteria.
Mogami o tshwanetse go tlhapa diatla tsa gagwe pele a gama le morago ga go gama kgomo nngwe le nngwe, mme a apare moaparo wa boitshireletso jaaka sesira-sefatlhego, diatlana, dibutsi tsa metsi le overall. Morago ga go tlhapa, inela diatla mo sebolayeng-megare. Fa o gama ka seatla, tlhapa diatla pele o gama mme o di inele mo sebolayeng-megare sa thoba pele o gama kgomo e e latelang. Ka metlha gamela mo kgamelong ya tshipi, eseng ya polasetiki.

Tlhomagano ya Go Gama

©Chris Daly
Dikgomo di tshwanelwa ke go gamiwa diura dingwe le dingwe di le 12, mme ka tlhomagano e e rileng. O seke wa gama go feta makgetlho ale mararo ka letsatsi, ka ge seno se ka baka tshenyego ya leruri ya thoba. Dikgomo tse kgolwane, tse di sa bolong go gamiwa, gantsi di na le bacteria e ntsi mo ditheleng tsa tsona. Gama meroba ya tsalô ya ntlha pele, o latele ka dikgomo tse di sa tswang go ntsha mašwi, o latele ka dikgomo tse kgolwane mme o feleletse ka dikgomo tsa mastitis. Mašwi a mastitis a tshwanetse ke go latlhwa mme a se kopanngwe le mašwi gotswa mo dikgomong tse di itekanetseng. Fa o gamile thele ya mastitis, tlhapa diatla tsa gago mme o di inele mo sebolayeng-megare.

Go Tlhatswa Dithele

©Chris Daly
Tlhatswa dithoba le thele morago ga kgamo ya pele. (Kgamo ya pele e tlile go thusa go tlhotlholetsa gotswa ga mašwi, fela gape e na le bacteria e e kwa godimo). Go tlhatswa metsotswana ele 20 go diragatsa ka bontle jo bo fetang 50% jwa fa go tlhatswa metsotswana ele merataro. Dipatlisiso tsa sešweng di netefatsa gore dithoba di tshwanetse go oma pele go ka gamiwa.
Phimola dithoba le dithito tsa thoba ka toulo ya pampiri e e diriswang gangwe e e inetsweng mo motswakong wa sebolayamegare. Tlhatswa dithele tse di leswe thata ka metsi a a phepa ale bothitho a a tshetsweng bonnye jwa sebolayamegare, mme o di omise ka toulo. Ditoulo tsa lesela di fitlhetswe fa di le botoka gona le ditoulo tsa pampiri mo go fokotseng kgotlelego ke bacteria mo mašwing. O seke wa dirisa letsela le le diriswang ke botlhe go phepafatsa go feta thele ele nngwe. Seinedi sa thoba se ka diriswa pele ga kgamo le morago ga kgamo go netefatsa bophepa jwa thele jo bo gaisang jo bo kgonagalang.

Kinelo ya Thoba

©Chris Daly
Kinelo ya thoba e botlhokwa mo go thibeleng le go laoleng mastitis. E ka fokotsa ditshwaetsego tse diša ka 70% goya go 80%. Seinedi se tshwanetse go nna le glycerin, lanolin kgotsa mafura a letlalo mangwe le mangwe. Inela pele o gama, fela thibela seinedi gore se se tsene mo mašwing. Tlhatswa dithoba pele, inela metsotswana ele 30 mme o dire diteko tsa mastitis le dithoba tse di omeletseng ka toulo ya pampiri e e diriswang gangwe ele nngwe go kgomo ka nosi.
Go thibela kgotlelego ya mašwi, netefatsa fa dithoba di omile morago ga kinelo ya pele ga kgamo. Go na le pharologano e kgolo magareng ga kinelo ya pele ga kgamo le ya morago ga kgamo. Dirisetsa seinedi tiro fela e se e se diretsweng. Inela dithoba ka gangwe morago ga kgamo go ntsha mašwi a a setseng mo dithobeng. Dirisa komiki e e kgethegileng ya kinelo-thoba kgotsa thulaganyo ya segasi ya thoba go thibela pathogens gore di se tsene mo kanaleng ya thoba. Komiki ya kinelo-thoba e tshwanetse go ka tlhatswa morago ga kgamo nngwe le nngwe, mme masaledi mangwe le mangwe a seinedi mo komiking a tshwanetse go tshololwa.

Phepafatso ya Didiriswa

©Chris Daly
Didiriswa tsa mašwi di tshwanetse go ka phepafatswa ka bonako jo bo kgonagalang morago ga go gama. Santlha, tsokotsa ka metsi a a bothitho mme o tlhatswe ka sesepa mo dithemphoritšhara tse di kwa bogodimo jo bo kgonegang. Morago ga phepafatso, tshela digami ka metsi a a phepa, di ntshe metsi mme o di omise. Di tshwanetse go oma pele ga tiriso e e latelang.

Translated by Nchema Rapoo