Bonkoko ba Grandmothers Against Poverty and Aids

Alicia Mdaka le Beauty Skefile ba tlhalosa ka fao setlhopha sa GAPA (Grandmothers Against Poverty and Aids) se amang matshelo a bona ka teng le go ba thusa go itshokela dikgwetlho tsa bona.

Bonkoko ba GAPA

©Eric Miller

Ke ne nka ya kwa GAPA mme ke dule fela fa pele ga thelebišene, ke repetlilwe ke kutlôbotlhoko ya me. Bonkoko ba GAPA ba mpolokile. Goldie Qayiya e ne e le mongwe wa bomme ba ba tlileng go tla go bua le nna, a mpolelela ka moo bana ba gagwe ba le bararo le bona ba tlhokafetseng. O ne a re, ‘Alicia, morwa wa me yo monnye o tlhokafetse fa ke ne ke mo romile kwa lebenkeleng, a rathwa ke tladi.

Mme mosimane wa me o mo golo, Vusi, o bolailwe ke Aids. Ke ne ke le fa thoko ga bolao jwa gagwe fa a tlhokafala; go nthobile pelo. Mme Thumela wa me o bolailwe ke Aids. Botlhe ke ba bolokile.’ Fa a ne a arogana kgang ya gagwe, le ênê a lela, ke ne ka lemoga fa ke se nosi.

‘Goldie o amogetse pogô ya gagwe mme o maatla’, ke ne ka akanya. ‘Lefatshe la me le ka se fele; Modimo le nna ona le nna.’. Ka iketlo, ke ne ka nna Alicia gape. Fa ke tshwenyegile kwa gae, ke ya kwa GAPA go ba bolelela, bona ba ba nneyang kgomotso, kgakololô ele e ke e tlhokang.

Ga nkitla ke tlogela GAPA. E mo boteng jwa pelo ya me. Tsala ya me e kgolo kwa GAPA ke Constance Sohema. Fa ke le mo tlalelong, ke ya kwa ntlong ya gagwe. Santlha re a khubama le go rapela, mme ke mo bolelele se se ntshwenyang. Ke mosadi yo ke mo tshepang go gaisa.

Nako ya ga Beauty Skefile kwa GAPA

©Eric Miller

Ke itumelela go ya kwa GAPA. Ke thuso e kgolo mo botshelong jwa me. Re bua thata ka matshwenyegô a rona kwa teng mme morago o lebala gore o na le matshwenyegô. Yono o bua sengwe, mme yo mongwe o bua selo se sengwe, mme e se kgale botlhe re a tshega.

Ke ne ke ya tsatsi le letsatsi fa bana ba ne ba le kwa sekolong. Fela ga jaana maoto a me a botlhoko ka ntlha ya arthritis, ka jalo ga ke sa tlhole ke kgona go tsamaela kwa teng. Mme nako dingwe fa o le kwa teng, menwana ya gago ga e batle go tshwara sepe. Fa ke le kwa GAPA, ke loga dikobô le dimpopo tsa bera.

Ke roka gape mfitshi-mfitshi, e e rayang gore ‘sele le sele’, lefoko la seXhosa la morokô wa dibata. Ka nako dingwe ke roka ka motšhine mme ka nako dingwe ke roka ka seatla. Ke rokile mesamo ya bolao jwa mme ka bonna, ka seatla. Dilo dingwe ke ne ke sa di itse fa ke ne ke le monnye, ke a ithuta ka ga jaana ke godile.

Translated by Nchema Rapoo