Bong Jwa Kgogo

© Chris Daly

Go supa bong jwa kgogo go thata, ka gonne dirwe tsa bong tsa kgogo di ka mo mmeleng wa tsona mme ga go bonolo go di farologanya go tshwana le tsa diphologolo tse dingwe. Go na le dinaane di le mmalwa, sekai, gore bong jwa kokwana bo ka supiwa ka go dikolosa lemaô le le mo tlhaleng mo godimo ga tlhogo ya kokwana. Kokwana ka jalo go dumelwa fa e le ya tona fa lemaô le dikologela kwa mojeng mme fa e le tshegadi le dikologela kwa molemeng. Kgotsa, fa o tshwara kokwana ka molala e kuka maoto a yona fa e le mosetsana, mme fa maoto a yona a lepelela, ke mosimane.
Naane e nngwe ke gore bong bo ka sweetswa ka go lebelela sebopego sa lee, kgopolo ke gore mae a sebopego sa kgwele ya dinao a tshwara dikokwana tsa basimane, fa a sebopego se se motopo kgotsa kgolokwe a tshwara dikokwana tsa basetsana. Mekgwa eno e tsepame go tshwana le fa o ka dikolosa ledi go sweetsa bong jwa kgogo, ka sewêlô sa go supa bong ka nepô se nna godimo fa o le motho o o lesego.
Ditsela tse di tsepameng thata tsa go supa bong jwa dikgogo ke tsa go sekaseka bong ka mafofa, masobana a mowa le go leta go fitlha o bona. Mekgwa e mengwe e santse e dirwa e e letlang tshupo ya bong mo maeng, fela bontsi jwa yona e santse e le tlhwatlhwa-godimo mme e tlhoka ditsamaiso tse di kgethegileng thata.

Bong ka Mafofa

©Chris Daly
Mo matso-peding le matsopa mangwe ditshegadi di bontsha go tswa mafofa go go bonako gona le tsa tona. Basetsana ba ka nna le mafofa a maphuka a a tlhogileng ka botlalo, fa basimane ba ka nna letwadi gotlhelele. Ka kakaretso, boleele jwa mafofa a matona a diphuka a bapiswa go farologantsha bong ka bobedi. Fela seno se dira fela mo dikokwaneng tse di fetsang go thuthuga, ka ge pharologano e tlile go nyêlêla morago ga dibeke di le pedi.
Mebala ya matsopa kgotsa matso-pedi mangwe e ka nna sesupo sa bong jwa dikgogo. Go dira gore dikgogo tse di methalo (ya mafofa a methalo e mentsho le bosweu) di tsadidane le mekoko e e senang methalo, go tlile go baka gore go tlhagiswe ditona tse di methalo le ditshegadi tse di senang methalo. Seno se ka dirwa gape ka makgabô a mmala wa selefera le wa gauta, moo gona mekoko ya selefera le ditshegadi tsa gauta di tlhagisang ditsoutswane tsa mmala wa bosweu jwa lobebe kgotsa o o botuba le mekoko ya mmala o mosetlha kgotsa o o khibitshwana. Mekoko ya mmala wa gauta mo ditshegading tse di selefera, ka fa go le lengwe, e tlile go tlhagisa di tshegadi tse di gauta le mekokwana e e selefera.

Bong ka Masobana

Mokgwa wa go supa bong ka masobana o tlhamilwe ke Professor Kiyoshi Masui kwa Japan ka dingwaga tsa bo-1930. Ke mokgwa o o kgethegileng thata o o akaretsang tshekatsheko ka leitlho ya masobana a kgogo, go leba go nna teng kgotsa go tlhokega ga serwe sa bong se se lebegang jaaka morurugô. Gatwe go na le dipopego tse di farologaneng tse di fetang sometlhano.
Baitseanape ba bong ba kgona go supa bong jwa dikokwana mo metsotswaneng ka selekanyetso sa nepô sa 90% go ya go 95%, fa selekanyetso sa nepô sa ba ba katisitsweng fela e se baitseanape gantsi se le kwa tlase ga 70%. Bosetlabošeng ga ba tshwanela go lekeletsa seno, ka gore go dira seno ka tsela e e sa siamang go ka baka go tswa mala le loso lwa dikokwana.

Go Leta Go Bona

©Chris Daly
Mokgwa o mongwe wa go supa bong jwa dikgogo ke go leta go bona. Fa dikgogo di gola, go tlile go senoga gore ke dikgogo di fe tsa tona le gore ke di fe tsa tshegadi. Go ya ka Poultry Bulletin, Sexing Chicken, tsa tona di tlile:
  • go simolola go itshwara senna mme di leke go lela
  • mafofa a tsona a tlile go fetoga go tswa go sebopego se se motopo se se tlwaelegileng mo dikgogong le ditsoutswane, go nna mafofa a a phatsimang a le masesane go feta, a le motsu, a a fitlhelwang mo melaleng ya tsona le kwa dithitong tsa megatla ya tsona
  • matlôpô le mabedu a tsona a tlile go tlhoga gale mme a nne magolo go feta a ditshegadi
  • ditlhogo di tlile go nna dihuku mme a lebege senna
  • matsopa mangwe a na le phêthêne ya mmala e e itshupileng e e thusang go e supa

Translated by Nchema Rapoo