Black Headed Oriole
Oriele ya Tlhogo e Ntsho

© Nigel J Dennis
Black Headed Oriole.

Leina

Oriele ya Tlhogo e Ntsho [Black Headed Oriole]

Ponalo

Nonyane e e na le molodi o lelang jaaka modumo wa metsi mme o tlaelegile thata kwa mafelong. Fela jaaka di-Oriele tse dingwe e aparetswe ke mmala wa lephutshe (yellow) oo galalelang le diphuka tsa one mmala oo ka tlhogo ya mmala o montsho. Le fa ele gore e na le mebala ee galalelang ga go bonolo go ka e bona ka gore e ikgethela marulelo a ditlhare tse di kwa godimo le go nna mo sekgweng se se pitlaganeng thata. E ka e utlwa pele o ka e bona ka gonne molodi wa yone wa motswako wa modumo wa metsi le selelo se se gotlhang (screeching) o le kwa godimo thata. E fofa ka lebelo ga e ya mafulong go batla maungo le ditshenekegi tse e dijang. E bonala ka boleele, le nko e thata, mme e e thusa go ka tshwara le go phuphura ditshenekegi, dibokolodi, ditsie le dikhukhwane.

Dijo

Gantsi dinonyane tse di ka ja maungo, ditshenekegi, moretlwa le mamepe (nectar). Go dumelw fa di sila dijo ka bonako ka ga di ka tsaya lobaka la metsotso e le metlhano. Di aga sentlhaga sa tsone mo ditlhareng kwa makala a kgaoganang(fork) teng. Ditsuenyana tsa tsone di fepiwa ka diboko (caterpillars). Ga go itsewe gore e elama mae lobaka lele kae.

Tsalo

Sentlhaga sa yone se tlhakatlhakane mme se apesiwa ka bubi, lichen, le dithupana mme o tla se bona mo dikaleng kwa godimo ga setlhare se se telele.

Kwa di ka bonwang kwa teng (Anamiso)

Oriele ya tlhogo e ntsho [black-headed oriole (Oriolus larvatus)]e bonala kwa mafelong a mantsi mo Afrika Borwa. Gantsi o ka e fitlhela kwa letlhakoreng la botlhabatsi jwa naga go fitlhelela kwa borwa kwa George.

Leina la Selatini

Oriolus larvatus.