Billfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Billfish

Leina la Maranyane

Istiophoridae

Semeto

E ka nna 6 m

Ponalo

Mmele o boleele ka nko e e tshwanang le lerumo. Mogatla wa mokwatla o motelele mme o tsepame. ka di’tapers go elela kwa tlase go fitlha kwa mogatleng wa ko morago. E kgona go iphuthaganya. Fa mogatla o phuthuloga o batlile o tshwana le seile ya sekepe. Megatla e e fa matlhakoreng (pelvic fins) e mesesanyane.

Dikitsiso

Lelapa la Istiophoridae le na le mephato e 3 ka dibopiwa dile 11 tse di farologaneng. Leina la yone le kaya lerumo la ‘marlin spike’ le le dirisiwang ke badiri/batsamaya ka dikepe. E farologane go swordfish e e nang le nko e e sephaphathi, mme ga e na megatla kwa matlhakoreng le meno mo motlhagareng wa yone.
Megatla ya kwa matlhakoreng a Billfish o ne a botelele mme a masesanyane. Mogatla wa mokwatla one o phuthuloga jaaka saile ya sekepe mme o fitlha kwa morago. Nko ya yone e kgona go idibatsa ditlhapi. Ke nngwe ya ditlhapi tse di lebelo thata mo lewatleng. E tsoma kwa lewatle bogare. Pelagic spawners.

Dijo

E fepa ka ditlhapi le squid.

Anamiso

E bonala mo mawatleng a a thotseng a mafelo a a mogote a dipula mo lefatsheng.

Dibopiwa Tsa Mophato Wa Yone

Black marlin - Makaira indica
Blue marlin - Makaira mazara
Indo-Pacific sailfish - Istiophorus platypterus