Bathibeledi ba Bašwa kwa Vredefort

© Jacques Marais

Ba ba Tlhageletseng lwa Ntlha

Dilo di ne di ntse sentle ka kagiso mo Nagagodimong ya Aforika Borwa mo bontsing jwa bo1700. Morago ga moo, ka bo1800, ditlhopha tse pedi tsa bathibeledi ba bašwa ba ne ba goroga mme ba fetola dilo tsotlhe go tswa fatshe go ya godimo.
Ba ba tlhageletseng lwa ntlha mo tiragalong e ne e le morafe o o bidiwang Matabele (morago Ndebele). Ka nako nngwe ba ne ba le karolo ya setšhaba se se maatla sa MaZulu ka fa tlase ga Kgosi Shaka. Le gale, ka 1824, kgosi ya Matebele Mzilikazi o omana le Shaka mme o tshabile go ya kwa Drakensberg le balatedi bangwe ba diketekete. Matebele e ne e le batlhabani ba pelokgale ba le bogale bao ba tsweletseng go senya thata go kgabaganya bogareng jo bo eletseng jwa pele. Le fa e le gore ba ntse gaufi le Pretoria, ditlhopha tsa Matebele di boifisitse naga mme tsa tlhola dikgoreletso go anama ga naga. Paka eno ya pheretlho e itsege jaaka Difaqane (se se amanang mme di sa tshwane le Mfecane, e e tlhageletseng mo dikgaolong tsa mabopo).

Setlhopha sa Bobedi

Setlhopha sa bobedi sa batseneledi se ne se na le mmala o o farologaneng, tota. Ba ne ba le bathibeledi ba basweu ba ba neng ba ba neng ba itelekela go tswa kwa Motse Kapa fa e sale tshimologo ya ngwagakgolo. Bangwe ba tlile go batla maitemogelo, bangwee ne e le baromiwa, bangwe e ne e le batsomi ba ba neng ba senka diphologolo tsa naga. Kwa tshimologong, batho ba ba neng ba sa tlwaelega ba basetlha ba ne ba ba itshokelwa ke merafe ya selegae, ba ba neng ba gweba le bone mme ba ne ba ba pata mo maetong a bona a go ya go tsoma kwa nageng mo mothamong wa lebopo.
Ka 1834, le fa go ntse jalo, Khudugo e Kgolo e simolotse mme go tsena ka bonnye go nnile kelelo e e tsepameng ya basweu. Khudugo e ne e le ka ntlha ya go se kgotsofale mabapi le puso ya Baborithane (le phediso ya bokgoba) kwa Kapa, le balemirui ba maburu ba ba neng ba sa tshepe ba swetsa go tlogela tshelammogo go tlhoma naga e ntšhwa mo ba ka nna babusi ba Makgaolakgang. Meela e mmalwa ya Bahudugi kwa morago ba phatlhaletse go ya kwa ntle ga Edene ya bona.
Nngwe ya ditlhopha tse, ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Andries Hendrik Potgieter bo gorogile kwa kgaolong ya Vredefort ka 1836 mme ba simolola go tlhoma dipolase tse di golo, ka go akabala ga batho ba selegae. Go ne go nna le ntwa, le gale, ka ntlha ya dithunya tsa maburu di supile go ka nna thibelo e e mosola kgatlhanong le Matebele. Le fa go ntse jalo, maemo a ne a na le mamena a mantsi a a nang le dikgotlhang.

Tlhaselo

Dilo di fitlhile kwa mankalankaleng morago ga ngwaga fa malapa a mmalwa a maburu a ne a bolawa ke setlhopha sa baphuruphutshi ba Matebele, mme bana ba le bararo ba ne ba thopiwa. Tlhaselo e diragetse kwa bokone jwa Noka ya Lekwa, gaufi thata le toropong ya ga jaana ya Parys.
Andries Hendrik Potgieter o ne a galefa that mme a romela palo ya makoko a itsosolosetso go otlhaya Matebele ka polao ka bontsi. Ka ntlha ya se le ditlhaselo tse dingwe, Mzilikazi kwa bofelong e ikgogetse morago go tswa mo kgaolong mme a hudugela kwa bokone jwa Limpopo go tlhoma motse mošate o mošwa gaufi le Bulawayo.

Ke Potch

Ka 1837, fa a ne a boa go tswa go fenya ntwa kgatlhanong le Matebele, Potgieter lwa ntlha o lemogile mabopo a Noka e e nonneng ya Mooi (Bontle) mme a swetsa gore e tla nna lefelo le le mosola go nna toropo. Ka 1838, mme mebila e ne ya alwa ka bonako me matlo a mmalwa a agilwe. Ka bomadimabe, mo setlheng sa metsi 1840 se supile gore bonno bo bo tlhomilwe mo kgaolong e e nweelang ya ditsobotla, mme toropo e ntšhwa e ne ya tlhomiwa ka bonako kwa karolong e e botoka dikhilometara tse di 11 go tswa mo molatswaneng go tswa kwa Oudedorp (toropo ya kgale). Morago ga go ya ka palo ya maina a mafelo, motse o kwa bofelong o biditswe Potchefstroom (go akantswe gore e nna tlhakanyo ya ‘molatswana wa Kgosi Potgieter’).
Potch (jaaka e itsege thata) e ne e le mmasepala wa ntlha wa maburu kwa bokone jwa Noka ya Lekwa. Morago ga go saena Tumalano ya Noka ya Motlhaba ka 1852, gape e nnile motse mošate wa Zuid Afrikaanse Republiek (Ripaboliki ya Aforika Borwa kgotsa Teransefala ya bogologolo). Ka jalo, ke lefelo le le botlhokwa thata. Moporesidente wa ntlha wa ZAR o tsere maikano a gagwe kwa Potch. Molaotheo o thadilwe kwa Potch. Vierkleur (folaga ya semmuso ya ZAR) e bone go fofisiwa ga yona kwa Potch. Kuranta ya ntlha ya Teransefala e ne e gatisitswe kwa Potch. Le morutabana wa ntlha kwa bokone jwa Lekwa a ne a nna kwa Potch. Tsela e e latelwang, Potch!
Ka bomadimabe, motse mošate o ne wa fudusiwa go ya kwa Pretoria ka 1860, go tlogela Potch kwa ntle mo botsididing. Toropo e tsweletse go tlhabologa go nna kgolo ka temothuo, meepo le lefelo la thuto.

Translated by Lawrence Ndou