Bat Hawk

© Per Holmen
Bat Hawk.

Leina

Bat Hawk [Macheiramphus alcinus]

Ponalo

Ya mogolo e ntlhwa ka mmala, ka letsubaba le lesweu kwa godimo le ka fa tlase ga leitlho. Bogare ka kgokgotso le sefuba le tsone di bosweu, ka mothala o montsho ka bophara fa gare. Matlho a mmala wa lephutse, ‘cere’ e ntsho, maoto le dinao di mmala o bosetlha ba botala ba legodimo. Tse di mmotlana di mmala o ntlhwa go feta tsa bagolo, mogatla o setlhafetse thata ka fa tlase fa e le bosweu mo sefubeng.

Dijo

Bat Hawk e iphepa ka dijo tse di tshwanang le bo mmamanthane, peolwane, tsilwane le bana ba yone. Fa go sa nna jalo e ka ja dinonyane tse dinnye le ditshenekegi tse dingwe. Ditlhabelo tsotlhe tsa yone di tseiwa ka diphuka di fofa ka lebelo le le tona. Ga e nke e tsoma mo lefatshe mme e tla tibisa setlhabelo sa yone le ga se ka leka go e tshabela mo meagong e metona.

Tsalo

Ga selemo sa tsalo se simologa, di nna di lelekana kwa moeng gaufi le lefelo le ditsallang kwa go lone. O tla di bona di pitikologa, go thulagantshwa maoto, di ririwa botswerere mo moeng. Metshameko ya kgolagano e gakgamatsa e le tota, ka di fofa ka lebelo le le kwa godimo, mme fa di fitlha fa setlhareng sa sentlhaga sa tsone ditla fofela kwa tlase ka lbelo le le tshosang e be di ikgoletsa kwa godimo mme di kotame fao.
Sentlhaga se agelwa mo setlhareng se di nnang mo go sone letsatsi lotlhe.Di aga mmogo, e tona le e namagadi, le fa e le gore e namagadi e dira go feta e tona. Matlhokwa a tseiwa mo dikaleng tsa setlhare e ntse e fofa mme a mantsi a wela fa fatshe. Sentlhaga se agelwa kwa godimodimo, gongwe mo lekaleng le le atileng kgotsa ka fa gare ga setlhare. Sentlhaga se se tona ka bophara ba 3 “feet” le boteng ba 1 ‘Foot”, mme ga o tshwane le tse di agiwang ke dinonyane tse dingwe tse di jang nama. Ga mmogo kwa botlhabatsatsi le mo Afrika o ka di bona di agile mo dimotsesetoropong tse di matlhagatlhaga.
Ke ya mosadi fela e e elamang mae, mme o nna gaufi le one motshegare, e se gantsi a ka fofa mme a boe. Maitsibowa o tlogela sentlhaga gore a ye go fofa le fa gantsi e se ene a istomelang. Gantsi ya monna e tla mo fepa mo sentlhageng kgotsa gaufi le sone. Mae a ka elamiwa sebaka sa kgwedi e le nngwe. Bana ba tlhagella morago ga malatsi a le 35-40, mme di fepiwa ke matsadi ba le badedi. Ba jesiwa metsotso e le 15-20 pele letsatsi le dikela. Ka noko e di jesiwa ka pele, di tla jesiwa metsotso ele 3-4 e latelana. Batsadi ba latlhela dijo mo sentlhageng e be ba fofa gape go ya go batla tse dingwe. Dijo tse di tlisetswang bana di ka akaretsa le ditshenekegi.
Mo nakong ya go thubiwa ga mae mmatsone o nna mo sentlhageng le bana, Mme fela ga beke e ella go fela kgotsa malatsi a lesome a fetile, batsadi mmogo ba katoga sentlhaga go nna mo makaleng a a leng gaufi le sone. Tse di nnye di tla nna mo sentlhageng nako nyana. Dinonyane tse ditsala makgetlho. Di godisa ngwana a le mongwe ngwaga le ngwaga.

Maitshwaro

The Bat Hawk gantsi e didimetse, mme maitsibowa e binela kwa godimo ka molodi wa, 'ki-kik-kik-kik-keee' or 'kwiek-kwiek'. Modumo o o lelela kwa tlase ga o ka lebelela botona ba nonyane e.
Fa o le mo moweng e lebega e le ntsho, ka bosesane le diphuka tse ditona o kare e ka lekana le Segodi se sennye, mme seriti sa yone o kare mankgodi o motona. Fa e kotame mo setlhareng o e bona ka mmele o bontsho, mometso o mosweu ka methalo fa gare, motlho a mmala wa lephutse le nko e bonalang. Selo se se botlhokwa mo go yone ke tikologo e e bulegileng mo go nang le dipeolwane (swallows), ditsilwane (swifters) le ditshenekegi tse ditona tse di ka jewang maitsibowa.
E ka bonwa masigo e tsoma mo godimo ga dinoka tse ditona, mekadiba (pools), boemelo ba diterena kgotsa mo tlhageng gaufi le meago e metona. Kwa botlhabatsatsi e ka bonwa gaufi le melomo ya di-limestone, le magaga a go nnang dintlhaga tsa ditsilwane. Ka lebaka la mekgwa ya yone ke nonyane e e sa tlwaelegang kwa mafelong a yone, Mme e tlwaelegile kwa mafelong a mangwe ka go re e etela ditoropo, le naga. Fa e ka bona ditlhoko tsa yone tsotlhe mo lefelong o ka e bona kgafetsakgafetsa.
Ga e tsoma Bat Hawk e ka kotama kgotsa e fofe modikwadikwe kwa lefelong leo, e diraisa lebelo le le kwa godimo e ntse e lebelela gotlhelele (godimo, tlase, le kwa matlhakoreng) e seng jaaka dinonyane tse dingwe tse di tsomang, tsone di lebelela kwa pele le kwa tlase fela. Se tlhabelo se tshwariwa ka lobelo le le tona mme se kometsiwa se feletse. Nonyane e e tsoma sebaka sa halofo ya iri letsatsi le lengwe le le lengwe mo Afrika, fa kwa botlhabatsatsi e ka tsa nako e ntsi ka fa e tsoma ditsilwane kwa ntle ga bo mmamanthane.
Gore e bone selekano se se siameng sa dijo mo nakong e nnyane, setlhabelo se tshwanetse gore se nne sentsi mo tikologong eo mme e nne tse dinnyane ka gore e ditshwara e fofa mme e dikometsa difelletse. Bat Hawk ga e nke e ja di-fruit bats, tse di leng dintsi mme e rata bo mmamanthane ba bannye le dinonyane.
Motshegare, Bat Hawk e nna e kotamo mo setlhareng se se tona. Ga se gantsi o kae bona e sasanka le fa gongwe e ka fofa motshegare ka nako ya tsalo. Ga letsatsi le dikela e simolola go fofa e batla dijo mme kgaotse fa go fifala. E tsoma le mo mesong a makuku.

Di ka bonwa kwa kae

Bat Hawk e bonwa kwa Malaysia, borwa-botlhaba jwa New Guinea, le sub-Sahara ya Afrika, kwa mannong a farologaneng jaaka sekgwa sa kwa mafelo a a mogote a nang le dipula (tropical forest) le sekgwa se se omileng.