Balatofatswa ba Tsheko ya Boepapuso

© Dr Peter Magubane
Ba le bararo ba ba latofatswa mo Tshekong ya Boepapuso ba goroga kwa Pretoria, Phatwe 1958. Go tswa molemeng go ya mojeng: Robert Resha, Patrick Moloa le Nelson Mandela.
Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretse Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka dingwaga tsa tlhaolele tsa bo-1950. Balwela-kgololosego bano, ba ba neng ba akaretsa Mandela, Ruth First, Z.K. Mathews le Lionel “Rusty” Bernstein ba kwadile le go baya monwana Freedom Charter e e neng e bua ka ga dithata tsa batho ba Afrika Borwa. Mmuso wa tlhaolele ka jalo o ne wa rulaganya diphuruphutso tse di neng di sa solofelwa kgatlhanong le balwela-kgololosego bano tse di isitseng kwa Tshekong ya Boepapuso ya 1956 e e tsereng sebaka sa dingwaga di le 11. Ka 1961, botlhe ba ba neng ba latofatswa ba ne ba se bonwe molato mme ba gololwa.
Go tshwantshitswe fano ba le bararo ba balatofatswa ba Tsheko ya Boepapuso fa ba goroga kwa Pretoria ka Phatwe 1958. Ba ba mmogo le Nelson Mandela yo monnye ke maloka a African National Congress Youth League eleng Robert Resha le Patrick Moloa.

“Ga ke moitshepi, ntle le fa o akanya moitshepi jaaka moleofi yo o leka lekang.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more