Africa's Birds
Dinonyane Tsa Afrika

© Nigel J Dennis
African Hoopoe
Afrika e na le mefutafuta e le mentsi ya dinonya mo lefatsheng. Go na le ditlhopha dile 3 tsa nonyonane, tse dijang dipeo, tse di fepang ka tswine le tse di jang nama kgotsa tse dingwe.
Di jang peo tse dinnye ka mmele di bopilwe ka molomo o mo nnye, fa tshe di jang nama kgotsa di tsoma tshe dingwe di na le melomo le dinala tse di bogale go re di kgone go kgakgamolola setlhabelo sa yone. Kguger National Park le legae la bontsi ba dinonyane tsa Africa Borwa. Manong a bonala gantsi kwa ditikologong tse di leng kwa bogareng jwa mafelo a a nang le bojang. Mme fa dintsu tsone di rata go nna kwa sekgweng gaufi le kgopo ya metsi kwa go nang le botsi jwa diphologolo.

Go reng dinonyane di fuduga?

Lebaka le le tona la go fuduga ga dinonyane ke go batla dijo, di kgana go di bona kwa mafelo a maemo la lowapi a a leng mofuthu. Phitlelo ya dijo (bontsi e leng ditshenekegi) kwa le lefatsheng la yone e a fokotsega ga maemo a lowapi a nna maruru. Go tlhoka mafolofolo (go tsala) ke gone go di gapetsang go fofa bokgakala jo bo tona go ya kwa di-continenteng tse dingwe go re di bone sa go ja.

Pharologano ke eng magareng ga Lephoi le Pigeon

Bonneteng ga go na pharologano magareng ga lephoi le pigeon ka gone di wela mo lelapeng le le esi. Re dirisa pharologano ya selekano sa one, ka fa lephoi le na le mmele o monnye mo go tsone.
Di-pigeon di wela mo mophatog o mongwe o eleng gore di-pigeon tse di batling di tshwana le papalegae tse di tala ka mmala le tsone di bidiwa di-pigeons. Pigeon e e tlwaelegile, e re e bonang metlha yotlhe le yone ke Lephoi. Gore re tlhofofatse dilo, re tshwela ka go di bitsa Maphoi.

Ke ka lebaka la eng Kokopa e tlotlona

Kokopa e dira seno gore e bobe diboko kgotsa tse di senang marapo tsa go ja ka fa tlase ga lekwati la setlhare. Di epa mekoti e go aga sentlhaga sa yone le go buisana le bo kokopa ba bangwe.

A go na le pharologano magareng ga geese le pidipidi?

Fela jaaka kgang ya Lephoi le Pigeon, Goose ke pidipidi. Ke maloko a lelapa le le lengwe ga mmogo le swan. Di filwe leina le bogologolotala ka mabaka a a seng a botlhokwa. Di-geese di filwe leina kwa thoko ka fa e ne e bonwa ele phologolo e e magareng ga pidipidi le Swan. Go bonala o kare pharologano ya dinonyane tse ele fela mokwa o dikutlaganang (nesting) ka teng, ga Goose yone e aga sentlhaga sa yone mo diphatlhaneng tse e di epang mo setlhareng.

A manong a kgona go tsoma

Manong a na le bokgoni ba go tsoma, mme fela di-talons le dinala tsa yone ga di bogale jaaka tsa dinonyane tse dingwe tse di tsomang. Manong ke dinonyane tse di bokgwabo tse di kgonang go rena le go tshosetsa ka bontsi ka jalo ga di tlhoke go tsoma. Go na le mefuta mengwe ya manong a a kgonang go tsoma dophologotswana tse dingwe jaaka rotwe le diphala gotsa ditshepe.

A merubisi e kgona go hutara?

Nyaya, merubisi ga e hutare mme e kgona go letsa molodi, le go kgorotlha. Modumo o o utlwala ga morobisi a hemela kwa ntle mme ke tsela ya yone ya go iponagatsa le go buisana le tse dingwe. Go dumelwa fa modumo o o diragala bontsi pele e beela mae, le ga e kutla (nesting).

Dipharologano ke eng magarong ga Mankgodi (Falcon) le Ntsu (Eagle)?

Bo Mankgodi ke noynane ya diphuka tse di pointed (mutsu) e e tsomang mo moweng. Ga e ikagele sentlhaga mme e dirisa dintlhaga tsa dinonyane tse dingwe tse dikgolo kgotsa ga e sedirise gotllholele. Ntsu yone ga e na diphofa kwa maotong ka makwapa (scales) a mantsi le lenala le le lengwe le le fapaneng. Ntsu e ikagela sentlhaga kwa bana ba yone ba nnang teng fa e tswile go ya go tsoma.

Go reng dinyonyane tse di tsomang di rata go goletsega di fofela kwa godimo?

Go goletsega go go tlwaelegile thata mo bontsing jwa dinonyane mme e tsamaelana le di-thermals. Tseo ke diphefo tsa mowa o mofuthu o o elelang kwa loaping o tlogela lefatshe mme dinonyane di itshegetsa mo diphefong tse ka diphuka gore di boloke matla a tsone a fo fofa. Di-thermals di kgona go di tshwarela kwa godimo. Ga e ntse a dikologa jaaka o ka e bona ole kwa tlase, ya bo e leka go elela le diphefo tseo. Se sengwe ke gore dinonyane tse, di tla kgona go bona dilo dile dintsi go tsa kwa kgakala mme se di thusa go ka nanabela tse dingwe.