African Fish Eagle

© Shem Compion
African Fish Eagle.

Leina

African Fish Eagle (Haliaeetus vocifer)

Ponalo

African Fish Eagle, ke ntsu e e bonalang e le kglotswana. DI na le plumage mebala e bontsho, le boroka (Ntlhwa/Brown).

Dijo

Jaaka leina la yone le bolela, e fepa gantsi ka tlhapi, mme kwa mafelong amangwwe e ka tsoma diflamingo le dinonyane tse dingwe tsa metsi. E itsege gape ka go ja nama e e bodile mme balelwa mo mophatong wa dikleptoparasite (e utswa ditlhabelo tsa nonyane tse dingwe). go itsewe fa Goliath Herons e latlhegelwa ke bokarolo bongwe ba dijo tsa yone go African Fish Eagle.Sejo sa tsone sa boikgethelo ke tlhapi. Di ka e ja e sule mme gantsi di e tshwara e santse e phela. Di-catfish le di-lungfish ke tsone di tshwariwa gantsi. Setlhabelo se se leng se tona se tla jelwa fa fatshe mo thoko ga metsi.

Boitshwaro

African fish Eagle e na le medumo e mebedi. Ga e fofa le ga e ntse modumo wa yone o kare wa American Bald Eagle. Ga e le gaufi le sentlhaga modumo wa yone o kare e dira modumo wa “quock”. E namagadi e lelela kwa godimo nyana mme modumo wa yone ga o bonolo jaaka e tona.
Modumo wa nonyane e o itsege thata, ke ka fao ba o bitsang “Lentswe la Afrika” (Voice of Africa). African Fish Eagle gantsi di bonwa ka bobedi ka selemo la tsalo le ka kwantle ga sone. Di na le go arogana setlhabelo se se tlhabeng se bonwe ke mongwe wa tsone. Di rata go kotama go feta go fofa, mme di ikhutsetsa letsatsi ka dinako tsa bo 10am fa di setse di feditse go tsoma. Le ga go ntse jalo, di ka itsomela ka nako engwe le engwe.

Manno

Ka nako e ntsi o ka di bona di kotame kwa godimo ga ditlhare tse ditelele, kwa di nang le bokgoni ba go lebella dinoka, didiba kgotsa kwa matshitshing a lewatle a e leng gore ke dikgaolo tsa yone. Kwa bodiding jo bo nang le dijo tse dintsi, bobedi ba tsone di ka tlhoka go gapa bonye ba square mile ya lefatshe gore dibone metsi le dijo tse di leekaneng. Tse dingwe tsa tsone di ka fuduga go tshabela dipula fa tse dingwe di ka nna fao ngwaga yotlhe.

Di ka bonwa kwa kae

Bontsi ba tsone bo tletsetletse mo Afrika Borwa. Di bonala thata kwa lefelong la Rift Valley Lake.